ELOYI Christian Church Branch 68-Rakops
Aimed at changing lives to Christian beliefs and custom.
*Today might be your breakthrough! 🙏*
Join us for *Healing & Prayer Service* with
Don’t carry that burden alone. Come expecting God to touch, heal, and restore. His presence changes everything.
_“Is anyone among you sick? Let them call the elders of the church to pray over them.” - James 5:14_
Bring a friend. Come with faith. Leave with hope. 🔥
B 68🔥🔥🔥🔥 activation ya Phiring Di a tsena foo Pitsi Tsa moyay
MOLAETSA WA KERESEMOSE
Baeteledipele ba kereke ya Eloyi le baphuthegi ba ba rategileng, ke a le dumedisa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete. Amen!
Bagaetsho re tsile mo bokhutlong jwa ngwaga, paka e ka yone re ipelelang matsalo a Morena Jesu Keresete. Are yeng go ipela le ba malapa a rona, re abelane dimpho le lorato, mme re gakologelwe gape gore Keresemose ga se fela nako ya go ipela, mme ele nako ya nchafatso ya lorato la Modimo mo bathong ba one. Ke paka ya boitumelo e re gakololang gore tsholofelo mo Moreneng e feta diemo tsotlhe.
1 JOHANE 5:11, “Mme tshupo ke yone e, gore Modimo o re neile botshelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwa one”. Mme ka jalo mo go tse tsotlhe tse re kopaneng le tsone, re le kereke kgotsa ka b**gwefela jwa rona, e ke yone nako ya go leba kwa morago re gakologelwe fa ele ruri Keresete ele ene seikokotlelo sa rona.
MATHAIO 6:33, “Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe, mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa”. Ka jaalo a re tshwareleleng mo tumelong, re tukise lesedi la lorato le tsholofelo. Re tie mo thapelong go rapelela malapa a rona, kereke ya rona, gammogo le lefatshe. Re rapele kgatlhanong le dintwa, dikotsi tsa tsela, kgotsa bosula bope fela mme re rapelele kagiso le thokgano mo malatsing a. ke paka ya go ikhutsa le go leba se o se jwadileng gammogo le thobo ya ngwaga ele tsela ya go ipaakanyetsa paka e tlang
Baratwa mo Moreneng, are gakologelwen gape tirelo ya Kgaolo Ya Ngwaga, e ka yone re tla b**g re leboga mmogo mautlwelobotlhoko a Morena, re bo re neela ngwaga oo tlang mo go ene. Ba ba tsayang maeto, are ipabaleleng, re nne kelotlhoko mo tseleng, re bo re obamele matshwao a tsela.
Segofalang MaEloyi, le nne le malatsi a mantle a Keresemose le ngwaga o mosha!...
HIS HOLINESS ARCHBISHOP DR SEKAI JAKOBA
Go bua jaana Jehofa, a re: “Bolokang katlholo, lo dire tshiamo; gonne poloka ya me e gaufi le go tla, le tshiamo ya me a gaufi le go senolwa.”
ISAIA 56:1
CHURCH SERVICE 1000-1500
Gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshepisa. O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro; mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe ka lone, wena, le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago, le fa e le lelata la gago, le fa e le dikgomo tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago. Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi la bosupa, a le itshepisa.
EKESODO 20:8-11
© Bible Society of South Afric
11/07/2025
A re itsoseng mo tumelo
Monday-Dithuso Time:1600- till late
Tuesday-Dithuso Time:1600-till late
WEDNESDAY- Church service 1800-2000
THURSDAY-Dithuso 1600-till late
FRIDAY- Dithuso 1600- till late
SATURDAY- Dithuso 1600- till late
SUNDAY - Church service 1000-1500
26/04/2024
25/04/2024
Kagiso ya modimo e nne le lona baratiwa mo moreneng🙏🙏🙏
Bana ba ga Jakoba re nale pitso mo maitseboeng a letsatsi la gompieno go ya go baya merapelo ko molaulengwe yo sa tsoga.
Le kopiwa go ka dipalo le ka nako .kereke e tsena ka 18:00
KAGISO MaEloyi
Batho ba modimo a re tshwareng nako ya kereke
Nako ya kereke ke 10:00 am
Kagiso ba ga rre ke kopa re tlhokomele go tshega nako ya kereke
A kereke e tsene ka nako e beilweng
Amen 🙏🙏 ke a leboga
Click here to claim your Sponsored Listing.
Category
Website
Address
Rakops
Alerts
Be the first to know and let us send you an email when ELOYI Christian Church Branch 68-Rakops posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.